< Ϯ⳰ⲀⲠⲞⲔⲀⲖⲨⳘⲮⲒⲤ 15 >
1 ⲁ̅ ⲁⲓⲛⲁⲩ ⲉⲕⲉⲛⲟϭ ⲙⲙⲁⲉⲓⲛ ⲛϣⲡⲏⲣⲉ ϩⲛ ⲧⲡⲉ ⲥⲁϣϥ ⲛⲁⲅⲅⲉⲗⲟⲥ ⲉⲣⲉⲥⲁϣϥⲉ ⲙⲡⲗⲏⲅⲏ ⲛⲧⲟⲟⲧⲟⲩ ⲛϩⲁⲏ ϫⲉ ϩⲣⲁⲓ ⲛϩⲏⲧⲟⲩ ⲛⲧⲁϥϫⲱⲕ ⲉⲃⲟⲗ ⲛϭⲓ ⲡϭⲱⲛⲧ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ
Mme mo legodimong ka bona sesupo se se boitshegang sa dilo tse di tlaa tlogang di tla; baengele ba supa ba ne ba abelwa go tlisa dipetso tsa bofelo di supa mo lefatsheng, mme kwa bofelong bogale jwa Modimo bo tlaa fela.
2 ⲃ̅ ⲁⲓⲛⲁⲩ ⲛⲑⲉ ⲛⲟⲩⲑⲁⲗⲁⲥⲥⲁ ⲛⲁⲃⲁϭⲏⲉⲓⲛ ⲉⲥⲧⲏϩ ⲙⲛ ⲟⲩⲕⲱϩⲧ ⲁⲩⲱ ⲛⲉⲧⲛⲁϫⲣⲟ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲙ ⲡⲉⲑⲏⲣⲓⲟⲛ ⲙⲛ ⲧⲉϥϩⲓⲕⲱⲛ ⲙⲛ ⲧⲏⲡⲉ ⲙⲡⲉϥⲣⲁⲛ ⲛⲉⲩⲁϩⲉⲣⲁⲧⲟⲩ ⲉϫⲛ ⲟⲩⲑⲁⲗⲁⲥⲥⲁ ⲛⲁⲃⲁϭⲏⲉⲓⲛ ⲉⲣⲉϩⲉⲛⲕⲓⲑⲁⲣⲁ ⲛⲧⲟⲟⲧⲟⲩ ⲛⲧⲉ ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ
Mme fa pele ga me ga bo go phatlaladitswe sengwe ekete lewatle la molelo le galase, mme mo go lone ga bo go eme botlhe ba ba neng ba fentse sebatana se se bosula le setshwantsho le lotshwao le palo ya sone. Botlhe ba ne ba tshotse diharepa tsa Modimo,
3 ⲅ̅ ⲉⲩϫⲱ ⲛⲧⲱⲇⲏ ⲙⲙⲱⲩⲥⲏⲥ ⲡϩⲙϩⲁⲗ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲙⲛ ⲧⲱⲇⲏ ⲙⲡⲉϩⲓⲉⲓⲃ ⲉⲩϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ϩⲉⲛⲛⲟϭ ⲁⲩⲱ ϩⲉⲛϣⲡⲏⲣⲉ ⲛⲉ ⲛⲉⲕϩⲃⲏⲩⲉ ⲡϫⲟⲉⲓⲥ ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲡⲡⲁⲛⲧⲱⲕⲣⲁⲧⲱⲣ ϩⲉⲛⲇⲓⲕⲁⲓⲟⲥⲩⲛⲏ ⲁⲩⲱ ϩⲉⲛⲙⲉ ⲛⲉ ⲛⲉⲕϩⲃⲏⲩⲉ ⲙⲛ ⲛⲉⲕϩⲓⲟⲟⲩⲉ ⲛⲛⲁⲓⲁⲓⲱⲛ
mme ba ne ba opela sefela sa ga Moshe, motlhanka wa Modimo le sefela sa Kwana ba re: “Ditiro tsa gago di dikgolo di a gakgamatsa, Morena Modimo Mothatayotlhe, Ditsela tsa gago di siame ebile di boammaaruri, Wena Kgosi ya dingwaga-ngwaga.
4 ⲇ̅ ⲛⲓⲙ ⲡⲉⲧⲉⲛⲉϥⲣ ϩⲟⲧⲉ ϩⲏⲧⲕ ⲡϫⲟⲉⲓⲥ ⲁⲩⲱ ⲛⲉϥϯ ⲉⲟⲟⲩ ⲙⲡⲉⲕⲣⲁⲛ ϫⲉ ⲛⲧⲟⲕ ⲙⲁⲩⲁⲁⲕ ⲡⲉ ⲡⲉⲧⲟⲩⲁⲁⲃ ⲁⲩⲱ ⲡⲇⲓⲕⲁⲓⲟⲥ ϫⲉ ⲛϩⲉⲑⲛⲟⲥ ⲧⲏⲣⲟⲩ ⲛⲏⲩ ⲛⲥⲉⲟⲩⲱϣⲧ ⲙⲡⲉⲕⲙⲧⲟ ⲉⲃⲟⲗ ϫⲉ ⲁⲛⲉⲕⲇⲓⲕⲁⲓⲱⲙⲁ ⲟⲩⲱⲛϩ ⲉⲃⲟⲗ
Ke mang yo o se kitlang a boifa, Morena. A bo a galaletsa leina la gago? Gonne ke wena fela yo o boitshepo. Mme dichaba tsotlhe di tlaa tla di go obamela, Gonne tshiamo ya ditiro tsa gago e senotswe.”
5 ⲉ̅ ⲙⲛⲛⲥⲁ ⲛⲁⲓ ⲁϥⲟⲩⲱⲛ ⲛϭⲓ ⲡⲣⲡⲉ ⲛⲧⲉⲥⲕⲏⲛⲏ ⲙⲡⲙⲛⲧⲣⲉ ⲛⲧⲡⲉ
Mme ka leba mme ka bona gore Boitshepo jwa Maitshepo jwa Tempele mo legodimong bo butswe.
6 ⲋ̅ ⲁⲩⲱ ⲁⲩⲉⲓ ⲉⲃⲟⲗ ⲛϭⲓ ⲡⲥⲁϣϥ ⲛⲁⲅⲅⲉⲗⲟⲥ ⲉⲧⲉⲣⲉⲧⲥⲁϣϥⲉ ⲙⲡⲗⲏⲅⲏ ⲛⲧⲟⲟⲧⲟⲩ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲙ ⲡⲣⲡⲉ ⲉⲣⲉϩⲉⲛϩⲃⲥⲱ ϩⲓⲱⲟⲩ ⲉⲩⲟⲩⲟⲃϣ ⲉⲩⲧⲃⲃⲏⲩ ⲉⲩⲙⲏⲣ ⲉϫⲛ ⲧⲉⲩⲙⲉⲥⲧⲛϩⲏⲧ ⲛⲟⲩⲙⲟϫϩϥ ⲛⲛⲟⲩⲃ
Baengele ba supa ba ba neng ba abetswe tiro ya go tsholola dipetso di supa; ba tswa mo tempeleng, ba apere matsela a masweu, le meitlamo ya gauta go kgabaganya dihuba tsa bone.
7 ⲍ̅ ⲁⲩⲱ ⲟⲩⲁ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲙ ⲡⲉϥⲧⲟⲟⲩ ⲛⲍⲱⲟⲛ ⲁϥϯ ⲙⲡⲥⲁϣϥ ⲛⲁⲅⲅⲉⲗⲟⲥ ⲛⲥⲁϣϥⲉ ⲙⲫⲓⲁⲗⲏ ⲛⲛⲟⲩⲃ ⲉⲩⲙⲉϩ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲙ ⲡϭⲱⲛⲧ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲉⲧⲟⲛϩ ϣⲁ ⲉⲛⲉϩ ⲛⲉⲛⲉϩ (aiōn )
Mme sengwe sa ditshedi tse nne sa naya mongwe le mongwe wa bone lebotlolo la gauta le tletse bogale jo bo maswe jwa Modimo o o tshelang ka bosakhutleng. (aiōn )
8 ⲏ̅ ⲁⲩⲱ ⲁⲡⲉⲣⲡⲉ ⲙⲟⲩϩ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲙ ⲡⲕⲁⲡⲛⲟⲥ ⲙⲡⲉⲟⲟⲩ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲙⲛ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲛ ⲧⲉϥϭⲟⲙ ⲁⲩⲱ ⲙⲡⲉⲗⲁⲁⲩ ⲉϣϭⲙϭⲟⲙ ⲉⲃⲱⲕ ⲉϩⲟⲩⲛ ⲉⲡⲣⲡⲉ ϣⲁⲛⲧⲟⲩϫⲱⲕ ⲉⲃⲟⲗ ⲛϭⲓ ⲧⲥⲁϣϥⲉ ⲙⲡⲗⲏⲅⲏ ⲙⲡⲥⲁϣϥ ⲛⲁⲅⲅⲉⲗⲟⲥ
Tempele ya tlala mosi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo le mo thateng ya one; mme ga bo go se ope yo o nonofileng go ka tsena go fitlhelela baengele ba supa ba sena go fetsa go tsholola dipetso di supa.