< ⲄⲀⲖⲀⲦⲎⲤ 1 >

1 ⲁ̅ ⲡⲁⲩⲗⲟⲥ ⲡⲁⲡⲟⲥⲧⲟⲗⲟⲥ ⲡⲉⲃⲟⲗ ϩⲛ ⲣⲱⲙⲉ ⲁⲛ ⲟⲩⲇⲉ ϩⲓⲧⲛ ⲣⲱⲙⲉ ⲁⲛ ⲁⲗⲗⲁ ϩⲓⲧⲛ ⲓⲏⲥ ⲡⲉⲭⲥ ⲙⲛ ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲡⲉⲓⲱⲧ ⲡⲁⲓ ⲉⲛⲧⲁϥⲧⲟⲩⲛⲟⲥϥ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲛ ⲛⲉⲧⲙⲟⲟⲩⲧ
Lokwalo lo lo tswa kwa go nna Paulo morongwa le Bakeresete ba bangwe fano botlhe. Ke kwalela: Diphuthego tsa Galatia. Ga ke a bilediwa go nna morongwa wa Modimo ke setlhopha sengwe kgotsa boemedi bongwe jwa lefatshe. Pitso ya me e tswa kwa go Jesu Keresete ka sebele, le kwa go Rara yo o mo tsositseng mo baswing.
2 ⲃ̅ ⲁⲩⲱ ⲛⲉⲥⲛⲏⲩ ⲧⲏⲣⲟⲩ ⲉⲧⲛⲙⲙⲁⲓ ⲉⲛⲥϩⲁⲓ ⲛⲛⲉⲕⲕⲗⲏⲥⲓⲁ ⲛⲧⲅⲁⲗⲁⲧⲓⲁ
3 ⲅ̅ ⲧⲉⲭⲁⲣⲓⲥ ⲛⲏⲧⲛ ⲙⲛ ϯⲣⲏⲛⲏ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲓⲧⲙ ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲡⲉⲓⲱⲧ ⲙⲛ ⲡⲉⲛϫⲟⲉⲓⲥ ⲓⲏⲥ ⲡⲉⲭⲥ
A kagiso le tshegofatso tse di tswang kwa go Modimo Rara le Morena Jesu Keresete di nne le lona.
4 ⲇ̅ ⲡⲉⲛⲧⲁϥⲧⲁⲁϥ ϩⲁ ⲛⲉⲛⲛⲟⲃⲉ ϫⲉ ⲉϥⲉⲧⲟⲩϫⲟⲛ ⲉⲡⲉⲓⲁⲓⲱⲛ ⲙⲡⲟⲛⲏⲣⲟⲛ ⲕⲁⲧⲁ ⲡⲟⲩⲱϣ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲡⲉⲛⲉⲓⲱⲧ (aiōn g165)
O swetse dibe tsa rona fela jaaka Modimo Rara wa rona a rulagantse, a bo a re falotsha mo lefatsheng leno le le bosula le re nnang mo go lone. (aiōn g165)
5 ⲉ̅ ⲡⲁⲓ ⲉⲧⲉⲡⲱϥ ⲡⲉ ⲡⲉⲟⲟⲩ ϣⲁ ⲛⲓⲉⲛⲉϩ ⲛⲉⲛⲉϩ ϩⲁⲙⲏⲛ (aiōn g165)
A kgalalelo yotlhe e nne go Modimo ka metlha yotlhe ya bosakhutleng. Amen. (aiōn g165)
6 ⲋ̅ ϯⲣϣⲡⲏⲣⲉ ϫⲉ ⲛⲧⲉⲉⲓϩⲉ ϩⲛ ⲟⲩϭⲉⲡⲏ ⲧⲉⲧⲛⲡⲱⲱⲛⲉ ⲛⲧⲙⲡⲉⲛⲧⲁϥⲧⲉϩⲙ ⲧⲏⲩⲧⲛ ϩⲙ ⲡⲉϩⲙⲟⲧ ⲙⲡⲉⲭⲥ ⲓⲏⲥ ⲉⲕⲉⲉⲩⲁⲅⲅⲉⲗⲓⲟⲛ
Ke a hakgamala fa lo akofa lo furalela Mo-dimo, o mo loratong le kutlwelo-botlhoko ya one o lo laleditseng go nna le seabe mo botshelong jo bosakhutleng jo o bo abang ka Keresete; lo setse lo sala “tsela e sele morago go ya legodimong,” e tota e sa yeng kwa legodimong gotlhelele.
7 ⲍ̅ ⲉⲙⲛⲕⲉⲟⲩⲁ ϣⲟⲟⲡ ⲉⲓⲙⲏⲧⲓ ϫⲉ ⲟⲩⲛ ϩⲟⲓⲛⲉ ⲉⲩϣⲧⲟⲣⲧⲣ ⲙⲙⲱⲧⲛ ⲉⲩⲟⲩⲱϣ ⲉⲡⲉⲛⲉⲡⲉⲩⲁⲅⲅⲉⲗⲓⲟⲛ ⲙⲡⲉⲭⲥ
Gonne ga gona tsela epe e sele kwa ntle ga e re e lo kaetseng; lo tsiediwa ke ba ba sokamisang ebile ba fetola boammaaruri kaga Keresete.
8 ⲏ̅ ⲁⲗⲗⲁ ⲕⲁⲛ ⲁⲛⲟⲛ ⲏ ⲟⲩⲁⲅⲅⲉⲗⲟⲥ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲛ ⲧⲡⲉ ⲛϥⲧⲁϣⲉⲟⲉⲓϣ ⲛⲏⲧⲛ ⲡⲃⲟⲗ ⲙⲡⲉⲛⲧⲁⲛⲧⲁϣⲉⲟⲓϣ ⲙⲙⲟϥ ⲛⲏⲧⲛ ⲙⲁⲣⲉϥϣⲱⲡⲉ ⲉϥⲃⲏⲧ
A diphutso tsa Modimo di wele le fa e le mang, le nna tota, yo o ka rerang ka tsela nngwe fela ya go bolokwa go na le e re lo boleletseng ka ga yone; ee, fa moengele a tswa legodimong a bo a rera molaetsa mongwe fela, a phutso ya Modimo e mo wele.
9 ⲑ̅ ⲛⲑⲉ ⲉⲛⲧⲁⲛϣⲣⲡϫⲟⲟⲥ ⲧⲉⲛⲟⲩ ⲟⲛ ϯϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲡⲉⲧⲛⲁⲧⲁϣⲉⲟⲉⲓϣ ⲛⲏⲧⲛ ⲡⲃⲟⲗ ⲙⲡⲉⲛⲧⲁⲧⲉⲧⲛϫⲓⲧϥ ⲙⲁⲣⲉϥϣⲱⲡⲉ ⲉϥⲃⲏⲧ
Ke ipoeletsa gape ke re: fa mongwe a rera Mafoko a a Molemo a sele kwa ntle ga a lo a amogetseng, a petso ya Modimo e mo wele.
10 ⲓ̅ ⲧⲉⲛⲟⲩ ⲅⲁⲣ ⲉⲓⲡⲓⲑⲉ ⲛⲛⲣⲱⲙⲉ ϫⲛⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲏ ⲉⲉⲓϣⲓⲛⲉ ⲛⲥⲁⲁⲣⲉⲥⲕⲉ ⲛⲣⲱⲙⲉ ⲉⲛⲉⲉⲓⲁⲣⲉⲥⲕⲉ ϭⲉ ⲟⲛ ⲛⲛⲣⲱⲙⲉ ⲛⲉ ⲁⲛⲅ ⲡϩⲙϩⲁⲗ ⲁⲛ ⲙⲡⲉⲭⲥ
Lo ka bona gore ga ke leke go lo itumedisa ka puo e e monate le e e gapang maikutlo fela; nnyaa, ke leka go itumedisa Modimo. Fa ke ne ke santse ke leka go itumedisa batho ke ne ke ka seka ka nna motlhanka wa ga Keresete.
11 ⲓ̅ⲁ̅ ϯⲧⲁⲙⲟ ⲅⲁⲣ ⲙⲙⲱⲧⲛ ⲛⲉⲥⲛⲏⲩ ⲉⲡⲉⲩⲁⲅⲅⲉⲗⲓⲟⲛ ⲉⲛⲧⲁⲩⲧⲁϣⲉⲟⲉⲓϣ ⲙⲙⲟϥ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲓ ⲧⲟⲟⲧ ϫⲉ ⲛⲟⲩⲕⲁⲧⲁ ⲣⲱⲙⲉ ⲁⲛ ⲡⲉ
Ditsala tse di rategang, ke ikana ka tlhwaafalo ka re tsela e e yang legodimong e ke e rerang, ga e a thaega mo mogopolonyaneng kgotsa mo torong ya motho.
12 ⲓ̅ⲃ̅ ⲟⲩⲇⲉ ⲅⲁⲣ ⲁⲛⲟⲕ ⲛⲧⲁⲓϫⲓⲧϥ ⲁⲛ ⲛⲧⲛ ⲣⲱⲙⲉ ⲟⲩⲇⲉ ⲛⲧⲁⲩⲧⲥⲁⲃⲟⲓ ⲁⲛ ⲉⲣⲟϥ ⲁⲗⲗⲁ ϩⲓⲧⲛ ⲟⲩϭⲱⲗⲡ ⲉⲃⲟⲗ ⲛⲧⲉ ⲓⲏⲥ ⲡⲉⲭⲥ
Gonne molaetsa wa me ga o tswe mo go ope fa e se Jesu Keresete a le esi, yo o mpoleletseng gore ke bue eng. Ga go na motho ope yo o nthutileng.
13 ⲓ̅ⲅ̅ ⲁⲧⲉⲧⲛⲥⲱⲧⲙ ⲅⲁⲣ ⲉⲛⲁϩⲃⲏⲩⲉ ⲙⲡⲓⲟⲩⲟⲉⲓϣ ⲉⲓϩⲛⲧⲙⲛⲧⲓⲟⲩⲇⲁⲓ ϫⲉ ⲛⲉⲉⲓⲇⲓⲱⲕⲉ ⲉⲡⲉϩⲟⲩⲟ ⲡⲉ ⲛⲥⲁ ⲧⲉⲕⲕⲗⲏⲥⲓⲁ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲁⲩⲱ ⲛⲉⲉⲓϣⲱϥ ⲙⲙⲟⲥ
Lo itse gore ke ne ke ntse jang fa ke santse ke setse tumelo ya Sejuta morago, le ka fa ke neng ke le pelo-mpe ka teng mo Bakereseteng, ke ba tsoma ebile ke leka ka bojotlhe jwa me go ba bolaya botlhe.
14 ⲓ̅ⲇ̅ ⲉⲓⲡⲣⲟⲕⲟⲡⲧⲉ ϩⲛ ⲧⲙⲛⲧⲓⲟⲩⲇⲁⲓ ⲉϩⲟⲩⲉ ϩⲁϩ ⲛⲛⲁⲧⲁϭⲟⲧ ϩⲙ ⲡⲁⲅⲉⲛⲟⲥ ⲉⲉⲓⲟ ⲛⲣⲉϥⲕⲱϩ ⲛϩⲟⲩⲟ ⲉⲙⲡⲁⲣⲁⲇⲟⲥⲓⲥ ⲛⲛⲁⲉⲓⲟⲧⲉ
Ke ne ke le mongwe wa bagolwane ba tumelo ya Sejuta mo mophatong wa balekane ba me ba malatsi ao mo lefatsheng ka fa ke neng ke ka kgona ka teng go sala morago melao yotlhe e megologolo ya ngwao ya tumelo ya me.
15 ⲓ̅ⲉ̅ ⲛⲧⲉⲣⲉϥⲣϩⲛⲁϥ ⲇⲉ ⲛϭⲓ ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲡⲁⲓ ⲉⲛⲧⲁϥⲡⲟⲣϫⲧ ⲉⲃⲟⲗ ϫⲓⲛⲉⲉⲓⲛϩⲏⲧⲥ ⲛⲧⲁⲙⲁⲁⲩ ⲁⲩⲱ ⲁϥⲧⲁϩⲙⲉⲧ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲓⲧⲙ ⲡⲉϥϩⲙⲟⲧ
Mme sengwe sa diragala! Gonne le pele ga ke tsalwa Modimo o ne o intlhophetse, wa ba wa mpitsa: ana ke tshiamo le tshegofatso e ntle thatajang,
16 ⲓ̅ⲋ̅ ⲉϭⲗⲡ ⲡⲉϥϣⲏⲣⲉ ⲉⲃⲟⲗ ⲛϩⲏⲧ ϫⲉ ⲉⲓⲉⲧⲁϣⲉⲟⲉⲓϣ ⲙⲙⲟϥ ϩⲛ ⲛϩⲉⲑⲛⲟⲥ ⲛⲧⲉⲩⲛⲟⲩ ⲙⲡⲓⲟⲩⲁϩⲧ ⲉⲥⲁⲣⲝ ϩⲓ ⲥⲛⲟϥ
go senola Morwa one mo go nna gore ke tle ke ye kwa go Badichaba ke ba bontshe Mafoko a a Molemo kaga Jesu. Erile fa mo gotlhe go ntiragalela ga ke ise ke re gone fela foo ke ye go go rerisanya le ope;
17 ⲓ̅ⲍ̅ ⲟⲩⲇⲉ ⲙⲡⲓⲃⲱⲕ ⲉⲑⲓⲉⲣⲟⲥⲟⲗⲩⲙⲁ ϣⲁⲛⲁⲡⲟⲥⲧⲟⲗⲟⲥ ⲉⲧϩⲁⲧⲁϩⲏ ⲁⲗⲗⲁ ⲁⲓⲃⲱⲕ ⲉⲧⲁⲣⲁⲃⲓⲁ ⲁⲩⲱ ⲟⲛ ⲁⲓⲕⲧⲟⲓ ⲉⲇⲁⲙⲁⲥⲕⲟⲥ
ga ke ise ke ko ke tlhatlogele kwa Jerusalema go rerisanya le ba e neng e le baaposetoloi pele ga me. Nnyaa, ke ne ka ya kwa dikakeng tsa Arabia, ka bo ka boela kwa motsing wa Damaseko.
18 ⲓ̅ⲏ̅ ⲙⲛⲛⲥⲁ ϣⲟⲙⲧⲉ ⲇⲉ ⲛⲣⲟⲙⲡⲉ ⲁⲓⲃⲱⲕ ⲉϩⲣⲁⲓ ⲉⲑⲓⲉⲣⲟⲥⲟⲗⲩⲙⲁ ⲉⲛⲁⲩ ⲉⲕⲏⲫⲁ ⲁⲩⲱ ⲁⲓϭⲱ ϩⲁϩⲧⲏϥ ⲙⲙⲛⲧⲏ ⲛϩⲟⲟⲩ
Erile dingwaga di le tharo di sena go feta ka ya kwa Jerusalema ke le mo loetong ke etela Petoro, mme ka nna koo le ene malatsi a le lesome le botlhano.
19 ⲓ̅ⲑ̅ ⲙⲡⲓⲛⲁⲩ ⲇⲉ ⲉϭⲉ ϩⲛ ⲛⲁⲡⲟⲥⲧⲟⲗⲟⲥ ⲉⲓⲙⲏ ⲓⲁⲕⲱⲃⲟⲥ ⲡⲥⲟⲛ ⲙⲡϫⲟⲉⲓⲥ
Mme moaposetoloi yo mongwe yo ke neng ka rakana nae ka lobaka loo e ne e le Jakobe monnawe Morena wa rona.
20 ⲕ̅ ⲛⲉϯⲥϩⲁⲓ ⲇⲉ ⲙⲙⲟⲟⲩ ⲛⲏⲧⲛ ⲉⲓⲥ ϩⲏⲏⲧⲉ ⲙⲡⲉⲙⲧⲟ ⲉⲃⲟⲗ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ϫⲉ ⲛϯϫⲓϭⲟⲗ ⲁⲛ
(Reetsang se ke se buang, gonne ke lo bolelela boammaaruri jo fa pele ga Modimo tota. Se ke se se neng sa diragala tota ga ke lo aketse).
21 ⲕ̅ⲁ̅ ⲙⲛⲛⲥⲱⲥ ⲁⲓⲉⲓ ⲉϩⲣⲁⲓ ⲉⲛⲓⲕⲗⲓⲙⲁ ⲛⲧⲥⲩⲣⲓⲁ ⲙⲛⲧ ⲕⲓⲗⲓⲕⲓⲁ
Erile morago ga loeto lo ka ya kwa Siria le Kilikia.
22 ⲕ̅ⲃ̅ ⲛⲉⲩⲥⲟⲟⲩⲛ ⲇⲉ ⲙⲙⲟⲓ ⲁⲛ ⲡⲉ ⲛϩⲟ ⲛϭⲓ ⲛⲉⲕⲕⲗⲏⲥⲓⲁ ⲛϯⲟⲩⲇⲁⲓⲁ ⲉⲧϩⲙ ⲡⲉⲭⲥ
Mme Bakeresete mo Judea ba ne ba santse ba sa itse sebopego sa me.
23 ⲕ̅ⲅ̅ ⲙⲟⲛⲟⲛ ⲇⲉ ⲛⲉⲩⲥⲱⲧⲙ ϫⲉ ⲡⲉⲧⲇⲓⲱⲕⲉ ⲙⲙⲟⲛ ⲙⲡⲓⲟⲩⲟⲉⲓϣ ⲧⲉⲛⲟⲩ ϥⲧⲁϣⲉⲟⲉⲓϣ ⲛⲧⲡⲓⲥⲧⲓⲥ ⲉⲛⲉϥϣⲱϥ ⲙⲙⲟⲥ ⲛⲛⲓⲧⲉ
Se ba neng ba se itse fela e ne e le puo ya batho e e reng, “Yo o neng a le mmaba wa rona, jaanong o rera tumelo e a neng a leka go e nyeletsa.”
24 ⲕ̅ⲇ̅ ⲁⲩⲱ ⲛⲉⲩϯ ⲉⲟⲟⲩ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲛϩⲏⲧ
Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me.

< ⲄⲀⲖⲀⲦⲎⲤ 1 >