< 馬太福音 4 >

1 那時,耶穌被聖神領往曠野,為受魔鬼的試探。
Mme Jesu a gogelwa ke Mowa o o Boitshepo kwa sekakeng, go ya go lekwa ke Satane.
2 衪四十天四十夜禁食,後來就餓了。
Ka malatsi a le masome a mane le masigo a le masome mane o na a sa je sepe, mme a tshwarwa ke tlala.
3 試探者就前來對衪說:「你若是天主子,就命這些石頭變成餅吧!
Mme Satane a mo leka gore a fetole maje senkgwe. Mme a re, go tlaa supa fa o le Morwa Modimo.
4 衪回答說:「經上記載:『人生活不只靠餅,而也靠天主口中所發的一切言語。』」
Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa! gonne dikwalo tsa re senkgwe ga se ka ke sa otla mewa ya batho: se re se tlhokang ke go reetsa lefoko lengwe le lengwe la Modimo.”
5 那時,魔鬼引衪到了聖城,把衪立在聖殿頂上,
Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa Tempele mo Jerusalema.
6 對衪說:「你若是天主子,就跳下去,因經上記載:『衪為你吩咐了自己的天使,他們要用手托著你,免得你的腳碰在石頭上。』」
A mo raya a re, “Itige o itshupe fa o le Morwa Modimo; ka dikwalo tsa re, ‘Modimo o tlaa roma baengele ba One go go agelela gore o seka wa golafala,’ ba tlaa go agelela mo go sugagakaneng mo matlapeng a a kwa tlase.”
7 耶穌對他說:「經上又記載:『你不可試探上主,你的天主!』」
Jesu a mo araba ka kgakalo a re, “Gape gatwe ‘o se ka wa leka Morena Modimo ka teko ya boeleele.’”
8 魔鬼又把衪帶到一座極高的山頂上,將世上的一切國度及其榮華指給衪看
Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa thaba e e goletseng kwa godimo thata mme a mo kaela dichaba tsa lefatshe le kgalalelo yotlhe ya tsone.
9 對衪說:「吧趴俯伏朝拜我,我必把這一切交給你。」
A mo raya a re, “Ke tlaa go fa mo gotlhe fa o ka khubama wa nkobamela.”
10 那時,耶穌就對他說:「去吧! 撒殫!因為經上記載:『你要朝拜上主,你的天主,唯獨事奉衪!』」
Mme Jesu a mo raya a re, “Tloga fa Satane. Dikwalo tsa re, ‘obamela Morena Modimo a le nosi. Reetsa ene fela.’”
11 於是魔鬼離開了衪,就有天有使前來瑟拉芬衪。
Mme Satane a mo tlogela mme baengele ba tla go mo direla.
12 耶穌聽到若翰被監以後,就退避到加里肋亞去了;
Mme e rile fa Jesu a utlwa gore Johane o tshwerwe, a tswa mo Judea a boela gae kwa Nasaretha mo Galalea; Mme ka bofefo a fetela kwa Kaperanama fa thoko ga Lecha la Galalea gautshwane le Sebulona le Nafetali.
13 後又離開納匝肋,來住在海邊的葛法翁,即住在則步隆和納斐塔里境內。
14 這應驗了依撒依亞先知所說的話:
Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng
15 『則步隆與納斐塔里地,通海大路,約但河東,外方人的加里肋亞,
“Lefatshe la Sebulona le lefatshe la ga Nafetali fa thoko ga Lecha, le moseja ga noka ya Jorodane, le kwa godimo ga Galalea kwa go tletseng Badichaba,
16 那坐在黑暗中的百姓,看見了浩光;那坐在死亡陰影之地的,為他們出現了光明。』
teng koo batho ba ba neng ba le mo lefifing, ba bonye lesedi le legolo; ba ne ba ntse mo lefatshing la loso, mme lesedi la ba tlhabela.”
17 從那時起,耶穌開始宣講說:「你們悔改吧!因為天國來近了。」
Go simolola foo, Jesu a simolola go ruta a re, “Sokologang mo sebing lo sokologele mo Modimong gonne Bogosi jwa Legodimo bo, atametse.”
18 耶穌沿加里肋亞海行走時,看見了兩個兄弟:稱為伯多碌的西滿,和他的兄弟安德肋,在海裏撒網,他們原是漁夫。
Mme ya re ka letsatsi lengwe a tsamaya mo motlhabeng wa lotshitshi lwa Lecha la Galalea, a bona banna ba le babedi, bana ba motho, ebong Simone yo o bidiwang Petere le Anderea, ba le mo mokorong ba tshwara ditlhapi ka lotloa ka e ne e le batshwari le barekisi ba ditlhapi.
19 衪就對他們說:「來,跟隨我!我要使你們成為漁人的漁夫。」
Mme Jesu a ba bitsa a re, “Ntshalang morago mme ke tlaa lo ruta ka fa lo ka tshwarang ka teng mewa ya batho.”
20 他們立刻捨下網,跟隨了衪。
Mme ba akofa ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae.
21 衪從那裏再往前行,看見了另外兩個兄弟:載伯德的兒子亞各伯和他的弟弟若望,船上同自己的父親載伯德修理召們的網,召叫了他們
Ya re kgakalanyana mo motlhabeng wa lotshitshi, a bona bana ba motho ba bangwe gape ba le babedi, ebong Jakobe le Johane ba ntse mo mokorong le Sebede rraabo, ba roka matloa a bone; mme le bone a ba bitsa.
22 他們立刻捨下了魚船和自己的父親,跟隨了衪。
Mme ba akofa ba emisa tiro ya bone ba tsamaya nae, ba tlogela rraabo.
23 耶穌走遍了全加里肋亞,在他們的會堂內施教,宣講天國的福音,治好民間各種疾病,各種災殃。
Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse.
24 衪的名聲傳遍了整個敘利亞。人就把一切有病的、受各種疾病痛苦煎熬的、附魔的、癲癇的,都給衪送來,衪都治好了他們。
Pego ya dikgakgamatso tsa gagwe ya anama go feta melelwane ya Galalea mo e leng gore batho ba ba neng ba lwalela kgakala kwa Siria, ba ne ba tla kwa go ene go fodisiwa. A e ka ne e ne e le bolwetse bofe le setlhabi, kgotsa ba tsenywe ke badimo, kgotsa botsenwa, kgotsa teteselo, o ne a ba fodisa.
25 於是有許多群眾從加里肋亞、「十城區」、耶路撒冷、猶太和約但河東岸來跟隨了衪。
Bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa mo sala morago gongwe le gongwe kwa a yang gone. Batho ba ne ba tswa Galalea le mo metseng e e some le Jerusalema, le gongwe le gongwe mo Judea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane.

< 馬太福音 4 >