< 路加福音 19 >

1 穌進了耶里哥,正進過的時候,
Mme ya re a feta mo Jeriko, monna mongwe yo o neng a bidiwa Sakaio, yo e neng e le mongwe wa batlhotlheletsi ba Sejuta mo papading ya go phutha lekgetho la Seroma (ebile e le mohumi),
2 有一個人,名叫匝凱,他原是稅吏長,是個富有的人。
3 他想要看看耶穌是什麼人;但由於人多,不能看見,因為他身材短小。
a leka go bona Jesu mme a ba a le mokhutshwane thata go mmona mo bontsintsing jwa batho.
4 於是他往前奔跑,攀上了一棵野桑樹,要看看耶穌,因為耶穌就要從那裏經過。
Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo.
5 耶穌來到那地方,抬頭一看,對他說:「匝凱,你快下來!因為我今天必須往在你家中。」
E rile Jesu a feta foo a lelala Sakaio mme a mmitsa ka leina a re, “Sakaio! Itlhaganele! Fo-loga! Gonne ke ya go nna moeng mo lwapeng lwa gago gompieno!”
6 他便趕快下來,喜悅地款留耶穌。
Sakaio a itlhaganela a fologa a tseela Jesu kwa tlung ya gagwe ka boitumelo jo bogolo.
7 眾人見了,都竊竊私議說:「他竟到有罪的人那裏投宿。」
Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”.
8 匝凱站起來對主說:「主,你看,我把我一半的財物施捨給窮人;我如果欺騙過誰,我就以四倍賠償。」
Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!”
9 耶穌對他說:「今天救恩來到了這一家,因為他也是亞巴郎之子。
Mme Jesu a mo raya a re, “Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe.”
10 因為人子來,是為尋找及拯救迷失了的人。」
11 眾人聽這話的時候,耶穌因為已臨近耶路撒冷,而且他們都以為天主的國快要出現,遂設了一個比喻說:
Mme ka gonne Jesu o ne a atamela Jerusalema, a bolela polelo go baakanya mogopolo o o reng Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa gone jaana.
12 「有一個貴人起身到遠方去,為取得了王位再回來。
A re, “Mogolwane mongwe yo o neng a nna mo lefatsheng lengwe kwa motseng mogolo o o kgakala wa bogosi, o ne a bilediwa go ya go tlhongwa kgosi ya lefatshe la gagwe.
13 他將自己的十個僕人叫來,交給他們十個「米納」,並囑咐說:你們拿去做生意,直到我回來。
Pele ga a tsamaya o ne a phutha bathusi ba le some a naya mongwe le mongwe wa bone dikete tse pedi tsa dipula, go sala ba di atisa fa a setse a tsamaile.
14 他本國的人,一向懷恨他,遂在他在後面派代表說:我們不願意這人為王統治我們。
Mme bangwe ba batho ba gagwe ba ne ba mo ila ba bo ba mo romelela polelo ya gore ba batla boipuso, ba bolela gore ba mo tsogologetse ga ba kitla ba mo amogela go nna kgosi ya bone.
15 他得了王位來以後,便傳令將那些領了他錢的僕人給他召來,想知道每個人做生意賺了多少。
“Ya re fa a boa a bitsa batho ba o neng a ba neetse madi, go bona gore ba dirileng ka one, le gore ba boetswe ke bokae.
16 第一前來對他說:主,你的那個「米納」賺了十個「米納」。
“Monna wa ntlha a bega papadi e kgolo, e menaganye ga some go feta tlhwatlhwa e o neng a e neetswe.
17 主人給他說:好,善僕!你既然在小事上忠信,你要有權掌管十座城。
“Mme kgosi ya goa ya re, ‘O dirile sentle! O monna yo o siameng o ikanyegile mo bonnyennyaneng jo ke go bo neileng. Mme tuelo ya gago ke gore, o tlaa nna molaodi wa metse e le some!’
18 第二個前來說:主,你的那個「米納」賺了五個「米納」。
Monna wa bobedi le ene a bega papadi e e itumedisang, e menaganye ga tlhano go feta tlhatlhwa e o neng a e neetswe.
19 主人也給給這人說:你也要掌管五座城。
“Mong wa gagwe a mo raya a re, ‘Go siame! o ka nna molaodi mo metseng e metlhano.’
20 另一個前來說:主,看,你那個「米納」,我收存在手巾裏。
“Mme monna wa boraro a bega fela madi a o neng a simolotse ka one, a re, ‘Ke a bolokile,
21 我一向害怕你,因為你是一個嚴厲的人:你沒有存放的,也要提取;沒有下種的,也要收割。
ka gore ke ne ke tshaba [gore o tlaa batla papadi ya me] gonne o monna yo o thata go dirisanya nao o tsaya se e seng sa gago e bile o gapa jalo tse di lemilweng ke ba bangwe.’
22 主人向說:惡僕,我就憑你的口供定你的罪。你不是知道失是嚴厲的人,沒有存放的,也要提取;沒有下種的,也要收割的嗎﹖
Mme Kgosi ya goa ya re, ‘Selo ke wena sa motlhanka yo o bosula. A ke pelo e thata? Ke tlaa nna fela jalo mo go wena! Fa o itsile bopelo-e-thata jwa me le ka fa ke leng logwadi ka gone,
23 為什麼你不把失的錢存於錢莊﹖待我回來時,我可以連本帶利取出來。
ke eng fa o ne o sa boloke madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso mo go one.’
24 主人便向侍立左右人說:你們他那個「米納」奪過來,給那有十個的。
“Mme a retologela kwa go ba ba emeng fa go ene a ba raya a re, ‘Tsayang madi mo go ene lo a neele monna yo o dirileng a mantsi.’
25 他們向說:主,他已有十個「米納」了。
“Mme ba re ‘Morena, o setse a na le a mantsi!’
26 我告訴你們:凡是有的,還要給他,那沒有的,連他所有的,也要從他奪去。
Kgosi ya fetola ya re, ‘Ee, ke boammaaruri gore ba ba nang le go le gontsi ba newa go le gontsi, mme ba ba nang le go le gonnye ba latlhegelwa le ke gone mo ba nang nago.
27 至於那些敵對我,不願意我作他們君王的人,你們把他押到這裏,在我在面前殺掉。」
Mme jaanong kaga baba ba, ba me ba ba rukutlhileng, ba tliseng kwano lo ba bolaye fa pele ga me!’”
28 耶穌說了這些話,就領頭前行,上耶路撒冷去了。
Mme ya re Jesu a sena go bolela polelo e, a ya Jerusalema le barutwa ba gagwe (a ba eteletse pele).
29 及至臨近貝特法和伯達尼,在一座名叫橄欖那裏,耶穌派遺二個門徒說:
Ya re ba tsena mo motsing wa Bethefeige le Bethania, mo Thoteng ya Lotlhware, a romela barutwa ba gagwe ba le babedi kwa pele,
30 「你們往對面的村莊裏去,一進村,就會看見一匹拴著的驢駒,從來沒有人騎過,把牠解開,牽來。
a ba laela go ya kwa motseng o o fa pele le gore e re ba tsena ba senke tonki e e golegilweng fa thoko ga tsela. E tlaa bo e le tonkana, e e iseng e ke e palangwe. “E gololeng, mme lo e lere kwano.
31 如果有人問你們說:你們為什麼解牠﹖你們要這樣說:主要用牠。」
Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dira eng, lo re, ‘Morena o a e batla!’”
32 被派的人去了,所遇見的,正如對他們說過的一樣。
Mme ba bona tonkana jaaka Jesu a boletse,
33 他們正要解驢駒的時候,驢駒的主人對他們說:「你們為什麼解這驢駒﹖」
mme ka boammaaruri ya re ba e golola, beng ba yone ba batla tlhaloso. Ba botsa ba re, “Lo dira eng? Lo gololelang tonkana ya rona?”
34 他們說:「主要用牠。」
Mme barutwa ba fetola ba re, “Morena o a e batla!”
35 他們遂把驢駒牽到耶穌在跟前,把他們的外衣搭在驢駒上,扶耶穌騎上。
Mme ba lere tonkana kwa go Jesu ba pega dingwe tsa diaparo tsa bone mo go yone gore a e palame.
36 前行的時候,人們把自己的外衣舖在路上。
Mme bontsi jwa batho jwa ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, mme ya re ba fitlha fa tsela e fologelang gone go tswa kwa Thoteng ya Lotlhware, batho ba simolola go goa ba opela fa ba ntse ba tsamaya ba baka Modimo kaga dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng.
37 當他們臨近橄欖山的下坡時,眾們徒為了所見過的一切奇能,都歡欣的大聲頌揚天主說:
38 「因上主之名而來的君王,應受讚頌!和平在天主,光榮於高天。」
Ba ipela ba re, “Modimo o re neile Kgosi, e tshele ka boleele! A legodimo lotlhe le itumele! Kgalalelo go Modimo kwa magodimong!”
39 人群人有幾個法利賽人對耶穌說:「師傅,責斥你的門徒罷!」
Mme bangwe ba Bafarasai mo gare ga batho ba re, “Morena, kgalemela balatedi ba gago go bua dilo tse di ntseng jalo!”
40 耶穌回答說:「我告訴你們:這些人若不作聲,石頭就要喊叫了!」
Mme a fetola a re, “Fa ba ka didimala, maje a a fa thoko ga tsela a, a tlaa thubega ka tuduetso!”
41 耶穌臨近的時候,望見京城,便哀哭她說:
Mme ya re ba atamela Jerusalema a lebela motse kwa pele, a simolola go lela.
42 「恨不能在這一天,妳也知道有關妳平安的事;但這如今在妳眼中是隱藏的。
A lela a re, “Kagiso e e sa khutleng e ne e le gautshwane le wena mme wa e gana, mme jaanong lobaka lo setse lo fetile.
43 的確,日子將臨於妳,妳的仇敵在妳四周築起壁壘,包圍妳,四面宭困妳;
Baba ba gago ba tlaa go agelela ka lobota lwa mmu, ba go dika, ba go kganelela ka ntlha tsotlhe,
44 又要蕩平妳,及在妳內的子民,在妳內決不留一塊石頭在另一塊石頭上,因為妳沒有認識眷顧妳的時期。」
ba bo ba go ripitlela fa fatshe le bana ba gago ba o nang nabo; ga ba kitla ba tlogela leje le tlhatlaganye le le lengwe, gonne o ganne sebaka se Modimo o se go neileng.”
45 耶穌進了殿院,開始把買賣人趕出去。
Hong a tsena mo Tempeleng a simolola go lelekela ntle barekisi mo marekisetsong a bone,
46 對他們說:「經上記載:我的殿宇應是祈禱之所,而你們意把它做了賊窩。」
a ba raya a re, “Dikwalo di bolela gore ‘Tempele ya me ke lefelo la thapelo; mme lo e fetotse mongobo wa magodu.’”
47 耶穌每天在聖殿內施教。司祭長及經師並人民的首領,設法要除掉祂,
Morago ga moo a ba ruta malatsi otlhe mo Tempeleng, mme baperesiti ba bagolo le baruti bangwe ba molao le bagwebi ba ne ba leka tsela e ba ka mmolayang ka yone.
48 但是尋不出什麼辨法,因為眾百姓傾心聽祂。
Mme ba se ka ba akanya sepe, gonne o ne a tumile thata mo bathong, ebile ba utlwa lefoko lengwe le lengwe le o neng a le bua.

< 路加福音 19 >