< 雅各書 4 >
1 你們中間的戰爭是從那裏來的?爭端是從那裏來的?豈不是從你們肢體中戰鬥的私慾來的嗎?
Se se dirang dikomano le dintwa mo gare ga lona ke eng? A ga se ka ntlha ya dikeletso tse di bosula tse di lwang mo ditokololong tsa lona.
2 你們貪戀,若得不到,於是便要兇殺;你們嫉妒,若不能獲得,於是就要爭鬥,起來交戰。你們得不到,是因為你們不求;
Lo batla se lo senang naso, jalo lo a bolaya go nna naso. Lo eletsa se ba bangwe ba nang naso, mme ga lo kgone go nna naso, jalo lo simolola ntwa go se tsaya mo go bone. Mme le fa go ntse jalo lebaka la gore lo seka lwa nna le se lo se batlang ke ka ntlha ya gore ga lo se kope mo Modimong.
3 你們求而不得,是因為你們求的不當,想要浪費在你們的淫樂中。
Mme le fa lo kopa ga lo se fiwe gonne maikaelelo otlhe a lona ga a a siama, lo batla fela se se tlaa lo nayang boitumelo.
4 淫亂的人啊!你們不知道:與世俗友好,就是與天主為仇嗎?所以誰若願意作世俗的朋友,就成了天主的仇敵。
Lo tshwana le mosadi yo o nyetsweng yo o sa ikanyegeng yo o ratang baba ba monna wa gagwe. A ga lo lemoge gore go nna botsalano le baba ba Modimo, ebong dithato tse di bosula tsa lefatshe leno, go lo dira baba ba Modimo? Ke bua gape ka re fa maikaelelo a lona e le go itumela mo dithatong tse di bosula tsa lefatshe leno, le le sa bolokwang, ga lo kake gape lwa nna ditsala tsa Modimo.
5 『天主以嫉妒愛慕他在我們內所安置的神靈,』或者你們以為聖經的這句話是白說的嗎?
Kgotsa lo akanya gore lokwalo lo raya eng fa lo re Mowa O O Boitshepo, o Modimo o o agisitseng mo go rona, o re disitse ka lefufa le le bonolo.
6 但他還賜更大的恩寵呢,為此說:『天主拒絕驕傲人,卻賞賜恩寵於謙遜人。』
Mme o re naya nonofo ya go tlhabana le dikeletso tsotlhe tse di bosula tse di ntseng jaana. Jaaka Lokwalo lo re, Modimo o naya ba ba ingotlang nonofo, mme o kgatlhanong le ba ba ikgodisang le ba ba mabela.
7 所以,你們要服從天主,對抗魔鬼,魔鬼就必逃避你們;
Ke gone ineeleng mo Modimong ka boingotlo. Tlhabanang le diabolo mme o tlaa lo tshaba.
8 你們要親近天主,天主就必親近你們。罪人們,你們務要潔淨你們的手;三心兩意的人,你們務要清潔你們的心!
Mme fa lo atamela mo Modimong, le One o tlaa lo atamela. Tlhapang diatla tsa lona, baleofi ke lona lo bo lo letle dipelo tsa lona di tlale ka Modimo fela go di ntlafatsa le gore di ikanyege mo go One.
9 你們要感到可憐,要悲哀,要哭泣;讓你們的喜笑變成悲哀,歡樂變成憂愁。
Hutsafalang lo lele ka ntlha ya dilo tse di sa siamang tse lo di dirileng. A go nne boikotlhao le bohutsana jwa boammaaruri. A go nne bohutsana mo boemong jwa setshego, le go sa itumeleng mo boemong jwa boitumelo.
10 你們務要在上主面前自謙自卑,他必要舉揚你們。
Ke gone e tlaa reng fa lo ikutlwa lo se ba sepe fa pele ga Morena, o tlaa lo tsholeletsa kwa godimo a lo kgothatsa a bo a lo thusa.
11 弟兄們,你們不要彼此詆毀。詆毀弟兄或判斷自己弟兄的,就是詆毀法律,判斷法律;若是你判斷法律,你便不是守法者,而是審判者。
Se tshwaaneng diphoso lwa ba lwa buana bosula bakaulengwe ba ba rategang. Fa lo dira jalo, lo tlaa bo lo tlhabana le molao wa Modimo o o reng lo ratane, lo o supa o sa siama. Mme tiro ya lona ga se go akanya gore a molao o o siame kgotsa ga o a siama, fa e se go o obamela fela.
12 只有一位是立法者和審判者,就是那能拯救人,也能消滅人的天主;然而你是誰,你竟判斷近人?
Yo o dirileng molao ke ene fela a ka atlholang sentle mo gare ga rona. Ke ene fela o ka atlholang go re boloka kgotsa go re nyeletsa. Jalo lo na le tshwanelo efe go sekisa kgotsa go bona ba bangwe diphoso?
13 好!現在你們說:「今天或明天,我們要往這城和那城去,在那裏住一年,作買賣獲利。」
Bonang, lona batho ba lo reng, “Gompieno kgotsa ka moso re tlaa ya kwa motsing wa bolebe, re nna teng koo ngwaga, mme re simolole teng madirelo a papadi.”
14 其實,關於明天的事,你們還不知道;你們的生命是什麼?你們原來不過是一股蒸氣,出現片刻,以後就消失了。
Lo itse jang se se tlaa lo diragalelang ka moso? Gonne boleele jwa matshelo a lona ga bo tlhomamisege fela jaaka mouwane wa mo mosong, o bonala jaanong jaana; mme e re ka lobakanyana o bo o nyeletse.
15 你們倒不如這樣說:「上主若願意,我們就可以活著,就可以作這事或者那事。」
Se lo tshwanetseng go se bua ke se, “Fa Morena a rata, re tlaa tshela re bo re dira se kgotsa sele.”
16 可是現在,你們卻猖狂自誇,這樣的自誇,都是邪惡的。
E seng jalo lo tlaa bo lo ikgantsha ka maano a e leng a lona, mme go itshepa mo go ntseng jaana ga go itumedise Modimo.
Gakologelwang gape gore, go itse se se molemo se se tshwanetseng go dirwa, mme se bo se sa dirwe, ke boleo.