< Matiyu 27 >

1 Wa' ble ye kpan ba firist bi ninkon ba ni bi ninkon u ndi ba ba' ka suron mu tie nkon u wuu.
Mme e rile mo mosong, ditlhogo tsa pa-peresiti le baeteledipele ba Sejuda ba rakana gape go gakololana ka fa ba ka tlhotlheletsang ka teng mmuso wa Se-Roma go atlholela Jesu loso.
2 Ba lowu, nda njiwu hi ka nno Bilatus gona.
Mme ba mo romela kwa go Pilatwe molaodi wa Roma a golegilwe ka dikeetane.
3 U Yahuda wa a le ni wu'a toh ndi ba wuu Yesu, awa' (sran mre ma) nda nji idran shekel setra'a ye ni' bi ninkon firist ba ni bi ninkon ndji ba,
E rile ka nako eo, fa Judase yo o mo okileng a bona gore Jesu o atlholetswe loso, a ikwatlhaya a utlwa botlhoko thata ka se a se dirileng, a busetsa madi kwa ditlhogong tsa baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda.
4 nda tre, “mi latre wa mi myren ndi wa ana tie latre naa” U ba tre, “Kima hi ngyeri tawu? To kpye wa u tie kime”
A re, “Ke leofile, gonne ke okile motho yo o senang molato.” Ba mo fetola ba re, “Ke dibonwa ke wena.”
5 A ka mrli dran ba ta hle ni mi hekali, nda rju hi ka ba don da ka klo kpame rjirji.
Hong a latlhela madi mo bodilong jwa Tempele, a tswa a ya go ikaletsa.
6 Ninkon u firist ba vu mrli dran ba nda tre, “Ana he ni nkon u duu'a ndu wayi ri ni (wron) na niwa a hi nklen yi”
Ditlhogo tsa baperesiti tsa sela madi ao. Tsa re, “Ga re kake ra a tsenya mo letloleng, gonne go kgatlhanong le melao ya rona go amogela madi a a dueletseng polao ya motho.”
7 Baka tre ni kpamba nda ban nklen le rju u ri' wa baka ta rjuu bi tsri.
Ba go rerisanya mme kwa bofelong ba dumalana go reka setsha sa lefatshe se letsopa la sone le neng le dirisiwa go bopa dinkgwana le gore se dirisiwe go fitlha baeng ba ba swelang mo Jerusalema.
8 Nitu kimayi ba yo wrji kii ndi, “Bubu yi” ye' luwayi.
Ke sone se e leng gore setsha se, se sa ntse se bidiwa “Lefatshe la Madi”
9 A ye tsra ni kpye wa Rimiya u Totsu'a tre din, “Ba vu dran setra ba inklen wa imrli Israila bayo ni tuma,
Se se dirafaditse seporofeso sa ga Jeremia se se reng, “Ba tsaya dipapetlana tsa selefera di le masome mararo, tlhwatlhwa e a neng a e beetswe ke batho ba Iseraele,
10 nda nno ni tu bubu ri, nawa Baci a yo ba tie'a.
mme ba reka setsha mo baboping ba dinkgwana jaaka Morena Modimo a nkaetse.”
11 Yesu a wlu ni shishi go naa, u gona kamye wu, “U chu Yahudawa?” Yesu a saa wu, “U hla me”
Mme ya re Jesu a eme fa pele ga ga Pilatwe, molaodi wa Roma, a mmotsa a re, “A o Mesia wa Bajuda”? Jesu a mo araba a re, “Ee go ntse jalo.”
12 U wa bi ninkon u firist ba ni bi ninkon ndji ba ba' nhawu, ana tre kpye na.
Mme e rile ditlhogo tsa baperesiti le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba mmaya melato e mentsintsi, Jesu a didimala fela.
13 U Bilatus tre ni wu, “Una wo ikpyi ba wawu mbawu wa ba nhawu na?”
Pilatwe a mo raya a re, “A ga o utlwe se ba se buang?”
14 U ana saa ikpye riri mena, waa a ndu gona (manji ma wakran).
Mme Jesu a seka a bua sepe mme mo ga gakgamatsa moladi thata.
15 Ninton u gan'u Rugran bata ndu gona cu ri nimi bi he tro'a wa ndji ba kpa y'me a cuwo.
Mme ka fa mokgweng wa molaodi e ne e le gore ngwaga le ngwaga a golole legolegwa lengwe la Sejuda ka moletlo wa Tlolaganyo. Mongwe fela yo ba mo ratang.
16 Ninton kima, ba he ni indji ri ni tro wa a sentu'a u nde Barabas.
Mo ngwageng eo ga bo go le mo kgolegelong Barabase serukutlhi se se itsegeng thata,
17 Wa baye kpan shuki a, bilatus ka tre ni ba, “Ahi nha mba bi son ndu mi cu cuwo ni yiwu? Barabas, ka Yesu wa ba yo wu Kristi?
mme ya re bontsintsi bo phuthegela fa pele ga ntlo ya ga Pilatwe mo mosong oo, a ba botsa a re, “Lo batla ke lo gololela mang, Barabase kgotsa Jesu Mesia wa lona?”
18 A toh ndi ba vu Yesu nno wawu nitu wa ba tie shishi ma.
Gonne o na a itse sentle gore baeteledipele ba Sejuda ba golegile Jesu ka kilo ka ntlha ya go tuma ga gagwe.
19 Wa arli son tu kwancima ucu'a iwa a tru (ton) yewu nda hla, “Rju ninkon ndji yi wa ana latre na. Mi tieya kpukpo me nicu luwa ni hra nituma”
Mme ya re a ntse a sekisa, mosadi wa gagwe a mo romelela molaetsa o: “Tlogela monna yo o siameng yoo; gonne ke letse ke tshwenyegile thata mo torong ka ntlha ya gagwe.”
20 Ni ntonyi firist bi ninkon ba ni bi ninkon indji ba, baka con j'bu ndji ba ndu ba cu Barabas cuwo na wuu Yesu.
Ka nako eo ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Sejuda ba tlhotlheletsa bontsintsi jwa batho go kopa gore Barabase a gololwe, Jesu ene a bolawe.
21 Gona a mye ba “Ahi nha bi son mi cucuwo yi wu ni mi ndji ha bayi? Ba tre “Barabas”
Hong ya re fa molaodi a botsa gape a re, “Ke ofe mo go ba babedi ba, yo lo batlang ke lo mo gololela?” Bontsi jwa batho ba goa ba re, “Barabase!”
22 Bitalus a tre ni ba “Mi tie he ni Yesu waba yo wu Kristi'a?” U ba saa wawu mbawu “Kpanwu ni gran nhama krukron”
Hong Pilatwe a botsa a re, “Jaanong ke tlaa reng ka Jesu, Mesia wa lona?” Mme ba goa, ba re, “A a bapolwe!”
23 A tre “Nitu ngye, a tie nfye meme?” U ba saa wu wawumbawu ngbangbanme, kpanwu ni gran nh'ma kukron'a.
Pilatwe a re, “Ka ntlha yang? O dirile bosula jwa eng?” Mme ba tswelela ba goa ba re, “A a bapolwe! A a bapolwe!”
24 Niwa Bilatus toh ndi wawu na toh tie kpyeri na u ndu tsi kana ye wluna a ban ma nglawoma ni shishi ndji ba ndatre, “Mi na he latre ni yi indji yi wa ana latre na” Tie kpye wa bi son”
E rile fa Pilatwe a bona gore ga a kgone, le gore pheretlhego e a tsoga, a kopa mogopo wa metsi a tlhapa diatla tsa gagwe fa pele ga bontsi jwa batho a re, “Ga ke na molato mo mading a monna yo o siameng yo.”
25 U ndji ba wawuu baka tre “Ndu yima he ni tumbu ni mrli mbu”.
Mme bontsi jwa goa jwa re “Madi a gagwe a a nne mo ditlhogong tsa rona le bana ba rona!”
26 Wa a cu Barabas cuwo bawu nda tsi Yesu ni gbungban nda kau nno mba kpahi kpan.
Hong Pilatwe a ba gololela Barabase. Mme e rile a sena go kgwathisa Jesu, a mo neela masole a Roma go ya go mmapola.
27 U ba soja u gona baka ban Yesu hi ni hra u bubu bla trea nda nji jbu soja ye kima.
Mme masole a mo tseela kwa tlung ya ditlhabano, mephato yotlhe ya mo phuthaganela.
28 Ba siwu nda lo pli samba niwu.
Hong ba mo apola, ba mo apesa kobo e khibidu,
29 Ba tie roni ncon nda kason wu ni tu nda nno kpala ni worli ma. Ba kukhwu ngbarju nda cawu yaya nda tre “Ndu Rji ziwu ichu Yahudawa!”
mme ba mo logela serwalo ka mitlwa e meleele ba se mo rwesa, ba mo naya thobane mo lebogong le legolo e e emetseng thobane ya Segosi mme ba khubama fa pele ga gagwe ka tshotlo ba goa ba re, “Dumela Kgosi ya Bajuda.”
30 Ba sru nten sruu nda ban kpalaa kpan wu mituma bru-bru.
Mme ba mo kgwela mathe, ba tsaya thobane ba mo itaya ka yone mo tlhogong.
31 Wa ba cawu yayaa bacu plima rju nda sru kpyi ma niwu, nda nji wu hi kpan.
Morago ga tshotlo, ba mo apola kobo ba mo apesa seaparo sa gagwe gape, ba mo isa kwa ntle go ya go mmapola.
32 Wa ba rju'a ba toh Bakurame u nde Sima nda vu ni ngbengblen nda ndu ban gran nhma kukron'a.
Ya re ba le mo tseleng e e yang kwa go bolaelwang teng, ba bona monna yo o tswang Sirene mo Aferika, yo o neng a bidiwa Simone, ba mo pateletsa go tsaya mokgoro wa ga Jesu.
33 Ba ka ri ni bubu wa ba yo ndi Golgotta wa ahi “Bubu khwukhwu tu”.
Hong ba ya felong fa go bidiwang Gologotha, ke gore “Felo ga Logata,”
34 Banno ima enabi wa basru nha ni kpyeri wa a rii'. A la'toh nda kama ni so.
kwa masole a neng a mo neela mofine o o tlhakantsweng le santlhokwe, mme ya re a sena go o lekeletsa ka legano a o gana.
35 Wa ba kpan wu a ba vu nklonma ni nra nda ga kpamba,
Morago ga papolo, masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ka go di thelela bola (mataise).
36 nda ki si gbyen wu.
Hong ba nna ba mo lebeletse mo mokgorong.
37 Ni ko tuh ma ba yo kpye wa ba nhawu'a wa a, “Iwayi a Yesu, ichu Yahudawa”.
Mme ba baya sesupo fa godimo ga tlhogo ya gagwe se balega se re, “Yo ke Jesu Kgosi ya Bajuda.”
38 Ba kpan bi yi harli nha bi ni wu, iri ni korli ma, u rima ni wo ko ta ma.
Dinokwane di le pedi le tsone di ne tsa bapolwa mo mosong oo di mo tsentse fa gare.
39 Bi zren zu ni ko kima ba hlo tre ni wu nda ta whu tu mba,
Mme bafeti ka tsela ba mo kgala, ba tshikinya ditlhogo tsa bone ba re, “O ka senya Tempele wa e aga gape mo malatsing a mararo, a o ka kgona. Go siame ipholose mo mokgorong fa o le Morwa Modimo!”
40 nda tre, “Iwu wa u na zi hekali ndi mewu ni vi tra, j'bu kpame! U'ta Vren Rji uka grji ni gran kukron ye meme”.
41 Firist bi ninkon ba ngame ba' caa yaya ni bi nha u ni bi ninkon ndji ba ndo tre,
Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuda le bone ba mo kgala ka tshotlo ba re, “O bolokile ba bangwe, mme ga a kgone go ipoloka! Ga ke re o Kgosi ya Baiseraele, a ga go jalo? Jalo he, fologa mo mokgorong ke gone re tlaa go dumelang! O ikantse Modimo, a Modimo o supe gore o eme le ene o mo golole! A ga a are, ‘Ke Morwa Modimo’?”
42 A kpa bari gbujbu wa ana gbujbu ni tu ma na. Ahi chu Israila. Ndu rji ni gran kukrona, u nikiyi kie kpaymeni wu.
43 A' yo sron ni Rji Ndu Rji kpa juwo zizanyi Nda hi wawu yi tre “Mi VrenRji”
44 Bi ybi wa ba kpan ba ni wu ba tre to kima ngame. Ba mrewu.
Mme dinokwane le tsone tse di neng di bapotswe nae tsa latlhela tshotlo tsa mo gobolola ka mokgwa o o tshwanang.
45 Rji ni wru nton u tanne ibwu kaye kasu meme a wawuu hi ni wru nton u tra u yalu.
Ya re mo go yone tshokologo ya letsatsi leo, lefatshe lotlhe la welwa ke lefifi dioura di le tharo, go simologa motshegare go fitlhelela ka nako ya boraro.
46 Whiewhiere ni wru nton u tia, Yesu ka yra gro ngbangbani me nda tra, “Eli, Eli, lama sabaktani?” waa ahi, “Irji mu, Irji mu, u kame don ni ngye?”
E rile ka nako ya boraro, Jesu a goa a re, “Eli, Eli Lama Sabakathani” ke gore, “Modimo wa me, Modimo wa me, ontatlhetseng?” fa go tlhalosiwa.
47 Wa bi k'rli ni kima ba wotoyi, baka tre “A si yo Iliya”
Bangwe ba batho ba ba neng ba le gaufi ba se ka ba mo tlhalogan ya mme ba gopola gore o bitsa Elija.
48 Iri mba ka gbla tsutsu hi ka ban rlikpanma son ni ma enabi u tsi nton nda kason ni kpala nda nzu hi niwu ndu so.
Mongwe wa bone a siana a tlatsa ngami mofine o o botsarara, a e tlhomela mo thobaneng a e isa kwa molomong wa gagwe go mo nosa.
49 U mbru mba bakatre, “Donwume kie'toh ka Iliya niye kpau cuwo”
Mme bangwe ba re, “Mo leseng re bone gore a Elija o tlaa tla go mmoloka.”
50 U Yesu ala' yra gro ngbangban me ngarli nda ka vrli (brji) ma cuwo.
Hong Jesu a goa ka lentswe le legolo gape, a golola mowa wa gagwe, a swa.
51 U pli wa ba yo hra kotu hekali'a ka y'ba yra ti ha rji tu'mu' grji ye ncima, u meme ka grju u tita ba ka yra tie nkan.
Jalo Sesiro se se farologanyang Felo ga Boitshepo mo Tempeleng sa fatogana go simologa kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la tshikinyega, mafika a phatloga,
52 Ba' be' baka bwu' bi tsratsra wa bana khwu'a ba' tash'me.
le mabitla a bulega, mme banna ba ba boifang Modimo ba le bantsi le basadi ba ba neng ba sule ba rula.
53 Ba rju ni mi ba' be' mba wa ba ni wa atashme, nda ri ni mi gbu u tsratsra nda tsro tumba ni ndji gbugbuwu.
Morago ga tsogo ya ga Jesu, ba tlogela diphuphu ba ya Jerusalema, mme ba bonala mo bathong ba le bantsi teng.
54 Wa hafsan soja ni indji wa basi Yesu'a ba toh grju meme ni ba kpyi wa ba tie'a ba' ka tie sisri nda tre, “Njanjimu ana hi Vren Rji”
Masole kwa papolong le bagolwane ba one a tshosiwa thata ke thoromo ya lefatshe le gotlhe mo go neng go diragala. Ba bua ba re, “Ammaaruri e ne e le Morwa Modimo.”
55 Gbugbu mba wa bazihu Yesu rji ni Galili nda zowuu bana he ni kima nda si ya ni gbugban mu.
Mme basadi ba le bantsi ba ba neng ba tswa Galalea le Jesu go mo tlhokomela ba ne ba lebeletse ba le kgakala.
56 Ni mi mba ba'na Maryamu Magadaliya, Maryamu iyi Yesu mba Isuwu ni yi mrli Zabadi.
Mo go bone ga bo go le Marea Magatalena le Marea mmaagwe Jakobe le Josefe, le mmaagwe Jakobe le Johane (bomorwa Sebede).
57 Wa yalu tie'a indji ri u wo' wa a rji ni Armatiya, unde Isuwu, nda na Vren Koh Yesu.
E rile mo maitseboeng, monna mongwe yo o humileng a tswa Arimathea yo o bidiwang Josefe, mongwe wa balatedi ba ga Jesu,
58 A hi ni Bilatus nda ka mye wu ikpa Yesu. U Bilatus ka ndu ba nno wuu.
a ya go kopa setopo sa ga Jesu kwa go Pilatwe. Mme Pilatwe a laola gore a se neelwe.
59 Isuwu a ban k'mo nyi ni pli wa arju'a,
Josefe a tsaya setopo a se phutha ka letsela la leloba le le phepa,
60 nda kau yo ni mi be' ma sisa wa ana tsen han mla tie a. A nyi kiekle tita hi nyu b e'a nda hi.
mme a se baya mo phuphung ya gagwe e e gabilweng mo lefikeng, mme e rile a tsamaya a pitikololela lentswe le le tona fa godimo ga yone go e khurumela.
61 Maryamu Madagaliya mba Maryamu rima bana hi ki ma nda son ni shishi b e'a.
Marea Magatalena le Marea yo mongwe ba bo ba ntse gautshwane ba lebeletse.
62 Ni vi u haa ivi u kogon vi u mla tie, bininkon ba firist ba ni ba Farisawa baka shubi ni Bilatus.
Mme e rile ka letsatsi le le latelang, e le letsatsi la bofelo la mediro ya Iketleetso, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai ba ya kwa go Pilatwe,
63 Batre, “Tiekoh, kie taka ni nton wa u gyrundji mu a he ni sisren'a tre, “Vitra niti y'ba mi tashme”.
mme ba mo raya ba re, “Morena, moaki yole o kile a re ‘E tlaa re morago ga malatsi a le mararo ke bo ke rula gape’.
64 Nitu kima (nno oda) yo ba ndu ba gben be'a tie vitra kieta na tie tokima na bi huwa (mrlikohma) ba ble ye y'bi-wu nda hlani ndji “A tashme” U gyru u klekle ani zan u mumla ni meme.
Jalo re kopa taolo mo go wena go kana phuphu go fitlhelela letsatsi la boraro, go itsa barutwa ba gagwe go tla go utswa mmele wa gagwe ba tloga ba raya batho ba re! O tsogile. Fa mo go ka diragala re tlaa nna mo matshwenyegong go gaisa pele.”
65 Bilatus a hla bawu, “vu bi gben. Gben ni ngbengblen mbi wa bi he wu'a”
Mme Pilatwe a ba raya a re, “Dirisang mapodisi a lona a Tempele, ba ka e tlhokomela sentle thata.”
66 U baka hi nda kagben hra b e'a nda hrawu ni tita nda sru bi gben.
Jalo ba kanela lentswe le le khurumetseng phuphu ba bo ba ntsha masole go e disa.

< Matiyu 27 >