< Mark 4 >
1 Yesu ni mu mummlan a hla tre ma ni gbugbu ndi waba shuti ni Yun nei. A lude ri ni mi gyue ni mi-nei.
Mme boidiidi jwa batho jo bo senang palo jwa mo dikaganyetsa mo lotshitshing fa a ntse a ruta, hong a tsena mo mokorong a nna fa fatshe a bua a le mo teng ga one.
2 A lla tre ma u-jaji gbugbu da ka yiyi ani.
Mokgwa wa gagwe wa gale wa go ruta e ne e le go bolelela batho dipolelo. Nngwe ya tsone e tsamaile jaana:
3 Wo-me, idi uron a ban ibi hichu ni rjumaa
“Reetsang! Molemi o kile a ikaelela go jala peo. Mme ya re a e gasa mo tshimong ya gagwe,
4 a chu bari ba kuhle ni kon u chichen ba tanri
nngwe ya yone ya wela mo tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa e sela tsa e e ja.
5 bari ba khule ni tu han iwa ama hei mi meme gbugbun a warju.
Nngwe ya yone ya wela mo mmung o mosesane fa go neng go ikadile lefika teng. Ya gola ka bonako, mme ya akofa ya swabisiwa ke mogote wa letsatsi ya a swa, ka ntlha ya gore medi ya yone e ne e sa otlega sentle mo mmung o o seng boteng.
6 Irji rju hongan wa kue niwa in-jah ma na gburonkonna.
7 Bari ba kuhle ni zahchon, I Chon ba gburon ti rigra da k tiwu wa ti me me.
Tse dingwe dipeo tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya gola ya hupetsa dijalo tse di potlana, jalo tsa se ka tsa ungwa,
8 Bari kuma ku “lle ni “llar meme didima da gburon na ni sho bari, I wulon iknutra, bari I wulon ikpu tanne, bari I wulon kpu wulon.
“Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ga masome a mararo tsa ata go fetisa jaaka a ne a jetse, dingwe tsa tsone tsa ungwa ga masome a marataro kgotsa lekgolo.
9 Yesu tre indi wa a hei ton u wo kawo
Fa lo na le ditsebe, reetsang!”
10 Wa Yesu a ye he ni kriji ma bi wa ba hei niki ni mimriko ma wulon don ha, ba miyen tu tree ka yiyi a.
Mme morago ga moo fa a le esi le ba ba lesome le bobedi le bangwe ba barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Polelo ya gago e raya eng?”
11 A biyi yi ba “llar you wawu multi Irji wa, a ririn, mibiwa ba he nira ba tree ni ka yiyin me.
Mme a ba araba a re, “Lo letleletswe go itse boammaaruri ka ga Bogosi jwa Modimo jo bo fitlhetsweng ba ba kwa ntle ga Bogosi: jaaka Moporofiti Isaia a bolela a re, ‘Le fa ba bona ebile ba utlwa ga ba kitla ba tlhaloganya, kgotsa ba sokologela mo Modimong kgotsa ba itshwarelwa dibe tsa bone.’
12 Ni duba ye ama da na toh na ni duba wo “llan da na toh “llan na I ba wo na kame ye Irji ni wuru “lle ni bwu.
13 A miyen ba bina to tu itre u ka you na?
“Mme fa lo se ka ke lwa tlhaloganya setshwantsho se se motlhofo se, lo tlaa dira jang kaga tse dingwe tse ke yang go di bolela.
14 Bi ya di bi to wawu u?
Molemi yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke mongwe yo o lereditseng batho molaetsa wa Modimo, a leka go jala peo e e siameng mo matshelong a bone.
15 Idi ichu a ni chu tre.
Tsela e e thata, fa go wetseng peo nngwe teng e tshwantshiwa le bopelo-e-thata jwa batho bangwe ba ba utlwang lefoko la Modimo; mme e re ka bofefo Satane a tle a leke go ba lebatsa lefoko.
16 Ni tu kon ba a bubu wa ba chutre iba wo meme brji a ye, wa vuba kpa tre wa ba chusa.
Mme mmu o o lokgwarapana o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba utlwang molaetsa ka boitumelo,
17 Bana he ni ja na ni mi bana. Ama ba vu sunron mu ni mi iton fie me, na joku ni ton uya.
mme jaaka ditlhatshana tse di mo mmung o o ntseng jalo, medi ya tsone ga e tsenelele mo teng, le fa, lwa ntlha di gola sentle, ere ka bonako fa matshwenyego a simologa di korobele.
18 Bi wa ba kpa tre na kalle ni
“Mmu o o mitlwa ke sesupo sa dipelo tsa batho ba ba reetsang Mafoko a a Molemo ba bo ba a amogela,
19 tu gbi gbugbulu yo khlen, iko bari kpii bari naki, iri mba ba chu wa a khule ni chon. (aiōn )
mme ka bofefo dithato tsa lefatshe le menate ya mahumo le go batla go tswelela pele le go eletsa dilo tse dintle go tsene ka bofefo mme go kgoreletse molaetsa wa Modimo mo dipelong tsa bone mme go seke go nne loungo lope. (aiōn )
20 Bi wa ba kpatre rji da vusuron na ni ji ndi ye nitre rji baba yi ba ichu wa kulle ni meme didi wa a ni klo 30-30 60-60 100-100
“Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba amogelang molaetsa wa Modimo ka boammaaruri, mme ba ungwele Modimo thobo e ntsi thata, ba ungwe ga masome a mararo le ga masome a le marataro le ga lekgolo tota go gaisa jaaka go jetswe mo dipelong tsa bone.”
21 A miyen ba, Indi ba zi fitila ni mi sisen ko ba zi ni zah tebru? Ba zi nitu tebur, di du kpan ni Indi bi koh.
Hong a ba botsa a re, “Fa mongwe a tshuba lobone, a o lo baya ka fa tlase ga tafole gore lo fitlhe lesedi? Go ka se nne jalo! Lesedi ga le ka ke la bonwa kgotsa la dirisiwa. Lobone lo siametse go bewa mo setlhomong go bonesa le go nna le mosola.
22 Ikperi na riri na, see ka he ni rira ni ndi ba ka to na hlar.
Gonne sengwe le sengwe se se fitlhegileng letsatsi lengwe se tlaa nna mo leseding.
23 Indi wa ahei niton u wo ka wo.
Fa lo na le ditsebe, reetsang!
24 A hla bawa, srenton ni wo kpie wa bi wo. Kongo wa wu tsar niwu, ni ki ba tsar niwu.
Mme gape tlhomamisang lo dirise se lo se utlwang. Gantsi fa lo dira jalo, lo tlaa kgona go tlhaloganya thata se ke se lo bolelelang.
25 Indi wa a heiwu, ba ka fon surwu Indi wa ana hei niwuna, baka vukpa fie wa a hei niwua.
Mme yo o nang le sengwe o tlaa newa; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le se o nang le sone tota.
26 A tree, mulki Irji a hei nawa indi ani ban bikpie hichu nimeme.
Setshwantsho sengwe ke se, se se supang gore bogosi jwa Modimo bo ntse jang: Molemi o kile a jala peo mo tshimong ya gagwe,
27 Indi ni kruna, na shime ni rji, biri nirju na gbrun, wana tohna.
mme a tsamaya, ya re malatsi a ntse a feta, dijalo tsa gola kwa ntle ga tlhokomelo ya gagwe.
28 Menme nina biri kima ani yarbe ku nira, ngwugwu ka fu wa ka gbrun nikle ma da ti wolo.
Gonne mmu o ne o godisa dijalo. La ntlha mogwang wa tswa, diako tsa tlhoga, mme morago mabele a butswa.
29 I dan biri a weri u ba cham.
Hong molemi a tla ka thipa ya gagwe a akofa a roba.”
30 Ki ya tree mulki rji ahe naki kā ki tsar ba bawu?
Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka tshwantsha Bogosi jwa Modimo jang? Ke ka dirisa polelo efe go bo tshwantsha?
31 Ga aheifieme na wolo mustard wa i dan u chu ani rju da gburon.
Bo tshwana le peo ya mosetara! Le ntswa e le nngwe ya dipeo tse di potlana, e gola e nna nngwe ya ditlhare tse di tona thata, e nne le dikala tse di telele mo dinonyane di ka agang dintlhaga tsa tsone teng mme tsa sireletsega.”
32 Har chinchen baka son ni wuma.
33 Naki tre mba ni kayiyi ni kon gbubu'u.
O ne a dirisa ditshwantsho di le dintsi tse di ntseng jalo go ruta batho ka fa ba ka kgonang go tlhaloganya ka teng.
34 Ni kogie a tre ni ba wu ni ka yiyi duba tohtre a.
Legale, o ne a ruta fela ka ditshwantsho fa a ruta mo pepeneneng, mme e re morago ga moo, fa a le esi le barutwa ba gagwe a simolole go ba di tlhalosetsa.
35 Ni yalu chachuki a tree diba zah gran hi komu.
Mme ya re mo maitseboeng, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “A re tsheleleng ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.”
36 I ba lude niwume a ni mique na ka ndiba don.
Hong ba mo tsaya, ba tswelela, ba tlogela bontsi jwa batho (le fa mekoro e mengwe e ne ya ba sala morago).
37 Se ihen lude ni gbegbelen na wuru man sur ni mi guea ta shu.
Mme ya re ka bonako matsubutsubu a magolo a phefo a tsoga. Makhubu a metse a simolola go tlolela mo mokorong go fitlhelela metse a tlala mo mokorong ebile o tloga o nwela.
38 Wa si kurna ni kogon mi gue iba shemme u du lude na ya duna kur kpahlena ndi ba ba kuhlema.
Jesu o ne a robetse kwa motsheo ga mokoro a samile mosamo. Mme ka bonako ba mo tsosa ka letshogo le legolo ba re, “Moruti, a ga o tshwenyege le fa re tloga re nwela rotlhe?”
39 Iwa lude da yarhan ni kikle gwugwu mba ima duba son nigbagbi shishiman ba chu
Hong a kgalemela phefo a raya lewatle a re, “Didimala!” Mme phefo ya didimala, ga ba ga nna tuulalo e kgolo!
40 A miyen ba, age nuyi sisiri? Har zizan bina hei ni bangaiskiya na?
Mme a ba botsa a re, “Lo ne lo tshositswe ke eng? A le jaana ga lo ise lo bo lo inkanye?”
41 Iba tie sisiri, adi a indi birimen nayi a tre ni gwugwu ba I ma u ba wo niwu.
Mme ba tlala poifo thata ba ipotsa ba re, “Monna yo ke mang, yo diphefo le mawatle di mo utlwang?”