< Yohana 13 >

1 Igan idin tsatsra rigyen u ye, u Yesu to andi inton tsra wa a lu ni gbungblu hi ni Ti'a. Niwa ani son bi ma wa ba he ni gbungblu, a son ba ye ni kekle.
Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng!
2 Ibrji yo ni sron Yahuda Iskariyoti ivren Saminu, aka Yesu le.
3 Ato ndi Iti a ka kongeri no ni woma, na rji ni Rji, ani la kma hi ni Rji.
4 A lunde ni bubu ri biri, na ju kpima, na ban inklon u se ma kpa na ka kpa ma niwu.
Mme a tswa fa lomating lwa bojelo, (tafole) a apola seaparo sa gagwe, a thathelela toulo (taole) mo lothekeng,
5 Wa sur ima ni konko na si ngla za ni almajere ma ba na se za ba wu ni inklon u se kpa wa a ka kpama niwu'a.
a tshela metsi mo mogotswaneng mme a simolola a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao a ba a di phimola ka taole e a neng a ithathile ka yone.
6 Na ye ni Siman Bitrus, u Bitrus tre niwu, “Bachi, u ngla za mu me?”
Erile a tla fa go Simone Petere, Petere a mo raya a re, “Morena, ga o a tshwanela o ka bo o re tlhapisa dinao!”
7 Yesu sa niwu na tre, “Ikpe wa mi si ti'a una to na zizan? U to ni ton u ye (ajima).
Jesu a fetola a re, “Ka nako e ga o tlhaloganye se ke se dirang, mme o tlaa tlhaloganya ka letsatsi lengwe.”
8 Bitrus hla niwu, una ti bre ngla za mu.” Yesu hla niwu, “Mita ngla niwu na, una he ni san me ni me na.” (aiōn g165)
Petere a gana a re, “Nnyaa, ga o kitla o ntlhapisa dinao gope!” Mme Jesu a fetola a re, “Kana fa ke sa di tlhapise, ga o kake wa nna mopati wa me.” (aiōn g165)
9 Siman Bitrus hla niwu, “Bachi, na ngla zamu migyen na, ngla womu ni tu mu.”
Simone Petere a mo raya a re, “Mme tlhapisa diatla tsa me le tlhogo, e seng dinao fela!”
10 Yesu hla niwu, “Indji wa a sukpa'a ana wa sukpa na, se ka ngla za, wa ahi tsatsra ndji wawu bi tsatsra, ama ani wawu mbi na.
Jesu a fetola a re, “Yo o setseng a tlhapile mmele otlhe o tlhoka go tlhapisiwa dinao fela gore a nne phepa gotlhelele. Jaanong o phepa, mme ga go a nna jalo mo go mongwe le mongwe yo o fano.”
11 (Yesu a to indji wa ani kawu le, kima sa wa tre naki, ana wawu mbi bi tsatsra na).
Gonne Jesu o ne a itse gore o tlaa okwa ke mang. Ke sone se a neng a se raya fa a re, “Ga lo phepa lotlhe.”
12 Ni kokon wa Yesu ngla za bawu, a ban konlon ma na kuson ngari, na hlabawu, “Bito kpe wa mi ti ni yiwu'a?
Erile a sena go ba tlhapisa dinao, a apara seaparo sa gagwe gape mme a nna fa fatshe a botsa potso a re, “A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira?
13 Bi yo me ni 'Mala' ni 'Bachi,' u bi yo me tsra, a naki mi he.
Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena’, mme lo dira sentle go bua jalo, gonne ke boammaaruri.
14 U to Me wa mi Bachi ni Mala, u mi ngla za mbi, biyi ngame bika ngla za ni kpambi.
Mme ka nna, Morena, le Moruti, ke lo tlhapisitse dinao, lo tshwanetse go tlhapisanya dinao fela jalo.
15 U mi tsro yi misali, ni ndu ti na wa mi tie ni yiwu.
Ke lo neile sekai se lo tshwanetseng go se sala morago: dirang jaaka ke lo diretse.
16 Gbigbi njanji mi si hla ni yiwu, igran na zan tiko ma ni ninkon na, ivren u ton ndu ana zan indji wa ton'u ndu ninkon na.
Go boammaaruri thata jang gore motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. Le fa e le morongwa ga a mogolo go motho yo o mo romang.
17 Bita to kpi biyi, bi-bi lulu ni nde bi ti ba.
Lo itse dilo tse, jaanong di direng! Ke yone tsela ya matlhogonolo.
18 Mi na si tre yi wawu na; Mi to biwa mi chu ba'a - nitu ndi nassi tsra indji wa a tan bredi a tayar nimu.
“Ga ke lo reye lotlhe; ke itse mongwe le mongwe wa lona yo ke mo tlhophileng sentle. Lokwalo lo bua jaana lwa re, ‘Ene yo o jang dijo le nna o tlaa nkoka’ mme se ke se buang se tlaa tloga se diragala.
19 Mi si hla wa yi ni yiwu zizan ri ni ndu ka ti naki ni ndu yi ka kpa-nyeme ni me ni nton wa ani ti naki'a.
Mme ke lo bolelela selo se jaanong jaana gore e re fa se diragala, lo dumele mo go nna.
20 Njanji, njanji, mi si hla ni yiwu, indji wa a kpa ndi wa mi ton'wu, ahi Me a kpa, indji wa a kpa Me, a kpa Indji wa a ton Me.
“Ammaaruri, le fa e le mang yo o amogelang Morongwa wame, yo ke tlaa mo romang, o amogela nna. Mme go nkamogela ke go amogela Rara yo o nthomileng.”
21 Ni kogon wa Yesu tre naki, na lo sron ni (Ruhu), na ti gban (shada) andi, gbigbi njanji, mi si hla ni yieu ndi iri ni mibi ani le ni me.”
Mme jaanong Jesu o ne a huduegile thata mo moeng mme a re, “Ee, go boammaaruri, mongwe wa lona o tlaa nkoka.”
22 Almajire ba ba kma ya kpa mba, na ni tamre, ka ahi nha ni mi mba a si tre ni tu ma.
Barutwa ba lebana, ba hakgamala gore o ka ne a raya mang.
23 Iri nimi almajire ma, wa Yesu ni son, ahe ni tebru, na kunyre ni san Yesu.
E re ka ke ne ke ntse go bapa le Jesu fa lomating lwa bojelo (tafole) ke le tsala ya gagwe e tona thata,
24 Siman Bitrus hla ni almajire bika minye, “Ndu hla tawu a hi nha a si tre ni tu ma.”
Simone Petere a tla kwa go nna go mpotsa gore ke mang yo o tlaa dirang tiro e e setlhogo eo ya go mo oka.
25 Wa hla bru kunyre ni san Yesu, na tre niwu, Bachi, ahi nha?
Mme ka retologa ka mmotsa ka re, “Morena, ke mang?”
26 U Yesu hla niwu, a wawu yi wa mi ka cichon bredi sun ni kano. Naki ri na ka bredi sun, na ka no Yahuda ivren Siman Iskariyoti.
A mphetola a re, “Ke yo ke mo tlotlang ka go mo neela senkgwe se innwe mo morong.” Mme erile a sena go se ina, a se inola a se neela Judase, morwa Isekariota.
27 Ni kogon bredi'a u ibrji a ri ni wu, u Yesu hla niwu, “Ikpe wa u son ti'a, uka ti gbagbla.”
Mme ya re Judase a sena go se ja, Satane a tsena mo go ene. Mme Jesu a mo raya a re, “Itlhaganele, dira se o se ikaeletseng jaanong jaana.”
28 Indrjori na la he ni tebru na, wa ani to ikpe wa yo'a hla niwu naki'a.
Go ne go sena le fa e le ope wa ba ba fa lomating lwa bojelo yo o neng a itse se Jesu o se rayang.
29 Bari mba ba ya ndi, a Yahuda yi ni nji imbu nklen Yesu hla niwa, “Le ikpe wa ki son ti ndu niwu ni idin,” ko ka no ikpe ni bi wa ba kunyre'a.
Bangwe ba gopola gore ka Judase e ne e le mmei wa madi a bone Jesu o ne a mmolelela gore a ye go duelela dijo kgotsa a ye go abela bahumanegi madi mangwe.
30 Ni kogon wa Yahuda a kpa bredi'a, wa rju gbagbla gbagbla me ni chu me.
Judase a nanoga ka bofefo, a ralala lefifi.
31 Ni kogon wa Yahuda hi'a, Yesu tre, zizan ba no Vren Indji ni kon, ngari ba no Irji ninkon ni mi ma.
Erile fela Judase a tswa mo tlung, Jesu a re, “Lobaka lwa me lo gorogile; kgalalelo ya Modimo e tlaa tloga e ntikaganyetsa, mme Modimo o tlaa amogela kgalaletso e tona ka ntlha ya gotlhe mo go ntiragalelang.
32 Irji ni no ninkon ni mi ma, ani no ninkon zizan zizan.
Mme Modimo o tlaa nnaya kgalalelo ya one, fela jaanong jaana.
33 Imri bi tsitsa mi he ni yi ni vi ton tsa me, biwa me na wa mi hla Yahudawa, bubu wa me mi hi bi na ya hi na. Zizan mi hla wa yi ni yiwu.
Bana ba ba rategang, kana nako e khutshwane jang pele ga gore ke tsamaye ke lo tlogele! Mme, le fa lo ka ntshenka ga lo ka ke lwa tla kwa go nna, fela jaaka ke boleletse baeteledipele ba Sejuta.
34 Mi si no yi indu ri sama, son kpa mbi, na wa mi son yi, na bi ka son kpambi.
“Jaanong ke lo naya taolo e ncha ka re, ‘Ratanang fela jaaka ke lo ratile.’
35 Na ko nha ni to yi ndi bi almajire mu, inde bi son kpambi.”
Go ratana ga lona mo go kitlaneng go tlaa supegetsa lefatshe gore lo barutwa ba me.”
36 Siman Bitrus tre niwu, Bachi, u hi ni ntsen?” Yesu hla ni wu, bubu wa mi si hi'a, una ya hina me zizan hi na, u wuka ye hu me ni kogon.”
Simone Petere a re, “Morena o ya kae?” Mme Jesu a fetola a re, “Ga o ka ke wa tsamaya le nna jaanong jaana; mme e tlaa re morago, o ntatele.”
37 Bitrus hla niwu, “Bachi, a ngyeri mba sa mi na hu zizan na? Mi no re (ivri) mu ni tu me.”
Mme Simone Petere a mmotsa a re, “Mme ke kganelwa ke eng go tla jaanong jaana gonne ke ipaakanyeditse go go swela?”
38 Yesu hla niwu, u ka re (ivri) me no ni tu mu? Gbigbi njanji, mi si hla niwu, u kame ni me ni kpatron ingyu tra ri ndu mble ndu kpan
Jesu a araba a re, “O ntshwela? Nnyaa e tlaa re pele ga mokoko o lela gararo ka moso o tlaa bo o intatotse o re ga o nkitse.”

< Yohana 13 >