< 1 Yohana 1 >
1 A hei naki ni mumla, waki woh, di toh ni shi shi mbu di yah di ka wo mbu sa ni tu tre u tutrun.
Keresete o ne a ntse a le teng fa lefatshe le simologa, le gone nna ke mmonye ka matlho a me ka bo ka mo reetsa a bua. Ke mo amile ka diatla tsa me. Ene ka sebele ke molaetsa wa Botshelo wa Modimo.
2 Na ki ba du ta toh rei'a, i ki toh'o di kpayiem ni u. Kisi hla yuu tre rei u tutru wa a he ni ti mbu, wa ba tsro ta. (aiōnios )
Ene yo, yo e leng Botshelo jo bo tswang kwa Modimong re ne ra mmontshiwa, jalo re supa gore re mmonye: ke bua kaga Keresete, yo e leng Botshelo jo bo sa khutleng. O ne a na le Rara mme ra mmontshiwa. (aiōnios )
3 Ikpe wa ki toh di wo di hla ni yu'u, u'biyi me bi ka tu kabi ni ta. Shu bi mbu a hei ni ti ni vre yesu kristi.
Gape ka re, re lo bolelela ka se rona re se bonyeng tota ra bo ra se utlwa, gore lo tle lo nne le seabe mo bolekaneng le mo boitumelong jo re nang najo mo Modimong le mo go Jesu Keresete MorwaOne.
4 Na ki kita me kisi han kpi biyi ni yu'u, du kikla suron mbu cika gri ififga.
Mme fa lo dira jaaka ke bua mo lokwalong lo, le lona lo tlaa tlala boitumelo, mme le rona re tlaa itumela.
5 Wa yi hi imbre wa kita ki woh jri ni'u ki hla ni yu'u, Irji hi kpan ni wu ibwu na hei na kofi.
O ke molaetsa o Modimo o o re neetseng go o lo bolelela: gore Modimo ke lesedi mme mo go One ga go na lefifi gotlhelele.
6 Inde kitre di ki katukabi ni'u; di ni zre ni mi bwu di ni ti che, ki na si bla tre 'u jaji na.
Jalo fa re re re ditsala tsa one, mme re tswelela re nna mo lefifing la semowa le mo sebeng, re bua maaka.
7 Naki kita si zren ni mi kpan, na wa wu hei ni mi kpan, ki si katu mbu bi ha mire vayi, 'u' yin vre ma yesu ni kla ta ni milan tre wa wu.
Mme fa re nna mo leseding la Modimo, fela jaaka Keresete a dira, hong re na le bolekane jo bo hakgamatsang le boitumelo yo mongwe mo go yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwa One a re tlhapisa mo boleong bongwe le bongwe.
8 Inde kitre di ki na lahtre na kisi qrue tumbu, u jaji na hei ni suron mbu na.
Fa re re ga re na boleo, re a itsietsa, ebile re gana go amogela boammaaruri.
9 Inde kihla la latre mbu rju ra wawu a hi jaji da wa ani gla ta ni mi latre mbu.
Mme fa re ipolela dibe tsa rona mo go One, o ka ikanngwa go re itshwarela le go re tlhapisa mo tshiamololong nngwe le nngwe. (Ebile go tshwanetse Modimo sentle thata go re direla jaana gonne Keresete o swetse go tlosa dibe tsa rona).
10 Inde ki tre di kina lahtre na, ki kma u ti ndi u'che, u'tre ma ana hei ni mi mbu na.
Fa re re ga re a leofa, re bua maaka ebile re bitsa Modimo moaki, gonne wa re re leofile.